Jump to content

Fanta Singhateh

Go tswa ko Wikipedia
Fanta, Lady Singhateh, CRG
Mohumagadi wa the Gambia
In office
Tlhakole a robabongwe ngwaga wa 1966 – Moranang a le masome mabedi le bone ngwaga wa 1970
Pele Ga GagweKathleen Paul
Morago Ga GagweChilel Jawara
Ka Ga Ena
O tsetswePhukwi a le lesome le boraro ngwaga wa 1929
Janjanbureh
O TlhokafetseMotsheganong a le lesome le bobedi ngwaga wa 2023
Mo/BakapeloFarimang Singhateh|

Fanta, Lady Singhaten, CRG (o o tshotsweng ka lesome le boraro ngwaga wa 1929, a tlhokafala ka Motsheganong a le lesome le bobedi ngwaga wa 2023), o o itsegeng gape ka Fatou Basse Sagnia,[1] kgotsa Sagniang[2] e ne e le mohumagadi wa The Gambia go tswa ka 1966 go tsena 1970.

Ka Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Sungateh o tsholetswe kwa Georgetwon, kwa e leng Janjanbureh, The Gambia, ka Phukwi a le lesome le boraro ngwaga wa 1929. Ka 1949, o ne a nyalwa ke Sir Farimang Singhateh, o e neng e le ngaka ka nako eo, e le molaodi wa mo isagong wa The Gambia.[2] Ba ne ba na le bana ba le barataro mmogo.[2] Ene le monna wa gagwe, ba botlhe e leng Ahmadiyya, ba ne ba kwa Hajj, mo loetong lwa kwa Mecca ka 1964.[2]

Singhateh le monna wa gagwe e ne e le maloko a People's Progressive Party, e e tlhamilweng ka 1959.[1] Jaaka bontlha jwa tiro ya bone mo phathing, ba ne ba bolotsa letsholo la go fedisa bokolone.[3]

Singhateh ka bo ene o ne a itsege e le motho o o tshwereng ka thata mo phathing.[4] Pele ga a nyalwa, Singhateh e ne e le molweladitshwanelo ebile e le mongwe wa batho bantlha go amogela diaparo tse di kileng tsa aparwa go tswa kwa Belgium go anamisale dikgaolo tsa Bakoteh, Sukuta le magae.[5]

Singhateh o berekile e le mohumagadi wa the Gambia go tswa ka 1966 go tsena 1970, fa monna wa gagwe e le molaodi wa the Gambia.[6] E ne e le batho ba Gambia ba ntlha go nna mo maemong ao, monna wa gagwe e le molaodimogolo, ene e le mohumagadi. Mo maemong a gagwe, o ne a itebagantse le go tshela sentle a rotloetsa ditiro tsa bopelotlhomogi go ema basadi nokeng.[6] O ne a buelela tlhabololo ya ngwao, matshelo a batho le go tshedisana.[3]

Fa le mo dingwageng di le masome a robabongwe, o ne a bula lefelo la thekiso ya borotho, le le rekisang ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase, se se letla mongwe le mongwe go reka.[5] O tlhokafetse ka Motsheganong a le lesome le bobedi ngwaga wa 2023, a le dingwaga di le masome a robabongwe le boraro.[7]

Ka 2012, Singhateh o ne a nna molaodi mo tatelong ya Gambia.[8] Fa monna wa gagwe a ne a fiwa tlotla ya knighthood ke Queen Elizabeth wa bobedi, Singhaten o ne a amogela mameo a Lady, a itsege mo go ba le bantsi e le Lady Fanta.[3]

  1. 1.0 1.1 Hughes, Arnold (2008). Historical dictionary of The Gambia. Perfect, David, 1960- (4th ed.). Lanham, Md.: Scarecrow Press. p. 214. ISBN 978-0-8108-5825-1. OCLC 212627111.
  2. 2.0 2.1 2.2 2.3 West Africa. West Africa Publishing Company, Limited, Michigan, 1966, p.477.
  3. 3.0 3.1 3.2 "Constructional works on infrastructural development". thepoint.gm. Retrieved 2025-10-24
  4. The voice of the people: the story of the PPP, 1959-1989. Bakary Dabo. Baroueli, 1992
  5. 5.0 5.1 Ltd, Fresco Software Solution Pvt. "Foday Singhateh | AFRIFAMU". DAORA BEADS. Retrieved 2025-10-24
  6. 6.0 6.1 "Lady Fanta Singhateh – She Awards Gambia". Retrieved 2020-02-11
  7. Gambia former first lady Fanta Singhateh dies aged 96
  8. "President Jammeh confers national awards on 309 - Daily Observer". 2012-05-09. Archived from the original on 2012-05-09. Retrieved 2020-02-11.